Mark 5:7 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A goa ka lentswe le legolo a re: “Ke dirang ka wena, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a bitsa ka koru e kholu, mi a re, Ki rihañ le uena, Yesu Moroa Morimo, oa bogorimo yo bogolu! Kia gu ikanisa ka Morimo, gore u si ’nkutluise botluku.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Hong Jesu a bua le mowa o o maswe o o neng o le mo monneng yo, a re, “Tswa, wena mowa o o maswe.” Mme wa goela kwa godimo wa re, “O ya go dirang ka nna, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Lea goeletsa ka lentsu le legolo lea re: Ke dira eng le Wena, Jesu, Morwa wa Modimo yo Godimodimo? Ke go ikana ka Modimo, gore o se ke wa ntlhokofatsa.
Tswana Setswana 1970
a ba a goa ka lentswe le legolo a re: “O tsile go ntheng, Jesu, Morwa Modimo o o godimodimo? A Modimo o go kgone gore o se ka wa ntlhokofatsa!”