Mark 6:48 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme ka a ba bona ba sugegile ka go fudua mokoro ka bothata, ka gobo ba tlhabaganye le phefo, a ya kwa go bone ka lobaka e ka ne e le lwa tebelo ya bone ya bosigo, a tsamaya mo godimo ga lewatle; mme ya ne e kete o a ba feta.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a ba bona ba lapisioa thata go coeleletsa shepa, gone pheho ea tlabaganya nabo; mi ka e kane e le tisho ea bo‐for ea bosigo, a tla go bona a tsamaea mo leoatleñ; mi a rata go ba heta:
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme a bona fa ba le mo matshwenyegong a magolo, ba hudua ka bothata le go kgaratlha kgatlhanong le phefo e e tsubutlang le makhubu a lewatle. Erile e ka ne e le nako ya boraro mo mosong a tsamaela kwa go bone mo godimo ga metsi. Mme ya re ekete o a ba feta,
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A bona kamoo ba bego ba soka ka gona; ka gobane phefo e be e le kgahlanong le bona, lemo e ka bago ka nako ya bone ya bosego O ile a tla go bona a sepela godimo ga lewatle lea ba feta.
Tswana Setswana 1970
A ba bona ba tshwere bothata ka go tsamaisa mokoro; gonne ba ne ba tlhabaganye le phefo. A tla kwa go bone, e ka ne e le ka tebelo ya bone bosigo, a tsamaya mo godimo ga letsha; a ba a rata go ba feta.