Mark 6:56 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gongwe le gongwe kwa o tsenang teng, mo metsaneng, kgotsa mo metseng, kgotsa mo nageng fela, ba baya balwetsi mo dipatlelong tsa borekelo, ba mo rapela gore ba ke ba ame le fa e ka bo e le makantsa a seaparo sa gagwe; mme botlhe ba ba mo amileng ba fola.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi metsana, le metse, le masimo, kua o tsenañ gona, ba baea babobori mo mebileñ ea thekelo, ba mo rapela, gore ba ame leha e le peleri ea kobo ea gague, mi botle ba ba mo amañ ba horisioa.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Gongwe le gongwe mo a neng a tsamaya teng, mo metsaneng le mo metseng e megolo, le kwa ntle kwa masimo, ba baya balwetse mo dipatlelong tsa marekelo le mo ditseleng ba mo rapela gore a ba letle ba ame makantsa a diaparo tsa gagwe; mme botlhe ba ba mo amileng ba fodisiwa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Kae le kae moo a bego a tsena gona, metseng goba metseng goba dinageng, ba be ba robatsa balwetsi ditarateng leba mo kgopela gore a kgwathe ge e ba e be e le feela mosito wa seaparo sa gagwe; bohle bao ba bego ba mo kgwatha ba fodiswa.
Tswana Setswana 1970
Le gongwe le gongwe kwa a tsenang teng, mo metsaneng gongwe mo metseng gongwe mo merakeng, ba baya balwetse mo patlelong, ba mo rapela gore ba ke ba ame le fa e ka bo e le kola ya seaparo sa gagwe fela, mme botlhe ba ba mo amileng ba fola.