Mark 9:18 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gongwe le gongwe kwa o mo tshwarang teng, o mo piriganyetsa fa fatshe; mme a phoke mafulo, a phuranye meno, a kwatlalale. Mme ke buile le barutwa ba gago gore ba o kgoromeletse ntle, mme ba palelwa.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi kua o mo cuarañ gona, oa mo danya ha hatse, a phoke mashulo, mi a huranye meno a gague, mi a lape; mi ki reile barutoa ba gago, gore ba o khoromeletsa ntle, mi ba reteleloa.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme fa mowa o o maswe o mo laola o mo digela fa fatshe o mo dira gore a phoke mafulo ka molomo a phuranye meno a kwatlalale. Mme ka kopa barutwa ba gago gore ba kgoromeletse ntle mowa o o maswe mme ba retelelwa.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Kae le kae moo a mo isago gona, o a mo gagola; a foma, a tsikitlanya meno, a lla. Leba be ba sa kgone.
Tswana Setswana 1970
Mme gongwe le gongwe kwa o mo tshwarang teng, o a mo rutlarutla, a phoke mafulo, a phuranye meno, a kwatlalale. Ke buile le barutwa ba gago gore ba o kgarameletse ntle, mme ba paletswe.”