Matthew 12:11 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A ba raya a re: “E ka nna motho ofe mo go lona, yo e ka reng a na le nku e le nngwe fela, mme fa yone e wetse mo mokoleng ka letsatsi la Sabata, yo o sa ka keng a e tshwara a e ntsha?
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a ba raea, Monona ohe mo go lona, eo o nañ le ñku ñue, mi ha e oela mo mokuoleñ ka tsatsi ya Sabata, a ga a kitla a e cuara a e ntsa?
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Hong Jesu a fetola a re; “Fa o ne o na le nku e le yosi fela, ya be e wela mo sedibeng go le Sabata, a o no o ka dira gore o e falotshe ka letsatsi leo? Ee tota o no o ka dira jalo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
LeA re go bona: Ke monna ofe yo a tlago go ba gare ga lena yo a tlago ba le nku e tee, lege e ka wela ka moleteng ka letsatsi la Sabatha, a ka se e sware lea e ntsha?
Tswana Setswana 1970
A ba fetola a re: “Motho e ka nna mang mo go lona yo o nang le nku e le nngwe fela yo e ka reng e wetse mo mokoleng ka Sabata, a se ka a e tshwara, a e ntsha?