Matthew 15:23 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme a se ka a mo fetola ka lefoko lepe. Barutwa ba gagwe ba tla ba mo rapela ba re: “Mo reye a tsamaye, gonne o re tlhaeletsa kwa morago.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a si ka a mo araba sepe. Mi barutoa ba gague ba tla, ba mo rapela, ba re, Mo bose, gone oa re bitsa morago.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme Jesu a seka a mo fetola le fa e le go bua lefoko lepe! Barutwa ba gagwe ba mo kopa ba re, “Mo reye a tsamaye, ka o re tshwenya ka go kopa ga gagwe.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa ga se a ka a mo araba le lentsu le tee. Barutiwa ba gagwe ba tla ba mo lopa, ba re: Mo romele; gobane o a re bitsa ka morago ga rena.
Tswana Setswana 1970
Mme a se ka a mo araba ka lefoko lepe. Barutwa ba gagwe ba tla go ene, ba mo rapela ba re: “Dira gore a tsamae; gonne o re goeletsa morago.”