Matthew 15:32 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jesu a ipiletsa barutwa ba gagwe a re: “Ke tlhomogela batho ba bantsi ba pelo, ka jaana ba setse ba tlhotse le nna malatsi a le mararo, mme ba se na se ba se jang; ga ke rate go ba phatlalatsa ka tlala, e se re gongwe ba dimelela mo tseleng.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi ka Yesu a sina biletsa barutoa ba gague go ena, a re, Bontsi yo kia bo utluela botluku, gone yana bo tlotse le ’na malatsi a teri, mi ga bo na se bo se yañ; mi ga ki rate go bo phatlalatsa, bo e si bo ye, gore e si re khotsa yoa iribala mo tseleñ.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme Jesu a bitsa barutwa ba gagwe a re, “Ke tlhomogela batho ba pelo, ba ntse ba le fano le nna malatsi a le mararo jaanong, mme ga baa salelwa ke sepe go se ja; ga ke batle go ba phatlalatsa ba bolailwe ke tlala, kgotsa e ka re gongwe ba idibala mo tseleng.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Jesu a bitsa barutiwa ba gagwe go yena, a re: Ke kwela lesaba bohloko, ka gobane le setse le na le matsatsi a mararo a dula le nna lega ba na selo sa go ja; mme nka se ba dumelele go ikona dijo, gore ba se ke ba lapa tseleng.
Tswana Setswana 1970
Foo Jesu a ipiletsa barutwa ba gagwe a re: “Ke tlhomogela batho ba pelo, ka gonne ba setse ba tlhotse le nna malatsi a mararo, ba se na se ba ka se jang. Mme ga ke rate go ba phatlalatsa ka tlala, e se re gongwe ba felelwa ke thata mo tseleng.”