Matthew 2:13 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jaana e rile ba sena go tsamaya, bonang, moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro a re: “Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o bo o nne teng go tle go tsamaye ke go itsise; gonne Herote o tlaa batla ngwanyana go mmolaya.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ka ba sina go ea, bonañ, moengele oa Morena a iponatsa go Yosefe mo toroñ, a re, Tloga, u eme, itsela ñuana eo, le mague, mi u tsabele kua Egepetoñ, mi u ne gona ki tle ki tsamae ki gu itsise; gone Herode o tla batla ñuana go mo senya.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
E rile ba sena go tsamaya, moengele wa Modimo a bonala ka toro mo go Josefa. Mme a mo raya a re, “Tsoga o tshabele le ngwana le mmaagwe kwa Egepeto, o nne teng go fitlhelela ke go raya ke re o boe, ka gore Kgosi Herode o tsile go leka go bolaya ngwana.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
E rile ba sena go tloga, moengele wa Morena a bonala fa go Josefa ka toro, a mo raya a re: “Nanoga o tsee ngwana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o be o nne teng go tsamaya ke go itsise; gonne Herote o ikemiseditse go batla ngwana gore a mmolae.”
Tswana Setswana 1970