Matthew 2:15 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme a nna teng, ga tsamaya Herote a swa; gore go dirafale se se builweng ke Morena ka moperofeti a re: “Ke biditse morwaake a le kwa Egepeto.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a na gona ga tsamaea Herode a shua, gore go rihahale se se builoeñ ki Morena ka moperofeti, a re, Moroake ki miritse mo Egepetoñ.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
mme a nna teng koo go fitlhelela Kgosi Herode aa swa. Mo ga diragatsa polelelopele ya moporofiti e e reng, “ke biditse morwaake go tswa mo Egepeto.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
a nna teng ga tsamaya Herote a swa, gore go dirafale se se builweng ke Morena ka moporofeti a re: “Ke biditse morwaake kwa Egepeto.”
Tswana Setswana 1970
a nna teng ga tsamaya Herote a swa, gore go dirafale se se builweng ke Morena ka moporofeti a re: “Ke biditse morwaake kwa Egepeto.”