Matthew 2:16 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Foo Herote, o rile a lemoga fa a sotlilwe ke banna ba ba botlhale bao, a gakala thata, mme a roma batho, a bolaya tshimane yotlhe ya Bethelehema, le ya tikologo yotlhe ya teng, go simolola ka ba ba dinyaga pedi le bomonnaa bone, ka fa motlheng o o o tlhotlhomisitseng, a tlhaloganya mo go ba ba botlhale ka one.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi erile ka Herode a bona a tsiericoe ki babotlale, a galeha bogolu, a roma bañue, a bolaea banyana botle, ba ba le ba le mo Beteleheme, le mo lithokoñ cotle tsa ona; ba ba nyaga li tu, le ba ba ba rularañ, kaha motleñ o o botsisitseñ thata babotlale ka ona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Herode o na a tlala bogale fa a lemoga gore balepi ba dinaledi ga ba a dira ka fa a ba laetseng ka teng. Mme a roma masole kwa Bethelehema go bolaya ngwana mongwe le mongwe wa mosimane go simolola ka wa dingwaga tse pedi go ya kwa tlase mo motsing le mo tikologong yotlhe ka gore balepi ba dinaledi ba ne ba mmoleletse gore naledi e sale e bonala mo dingwageng tse pedi tse di fetileng.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
E rile jaanong Herote a lemoga gore batlhalefi ba mo forile, a gakala thata, a ba a romela batlhanka go bolaya basimanyana botlhe kwa Betleheme le mo tikologong yotlhe ya teng, go simolola ka ba dinyaga tse pedi le bomonnaa-bone, ka fa sebakeng se o se tlhotlhomisitseng mo batlhalefing.
Tswana Setswana 1970