Matthew 2:23 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A fitlha a aga mo motseng o go tweng Nasaretha; gore go dirafale se se kileng sa buiwa ke baperofeti, fa a tlaa bidiwa Monasara.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a ea a aga mo motseñ o o birioañ Nasareta; gore go rihahale se se builoeñ ki baperofeti, O tla birioa Monasarini.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
ba nna mo Nasaretha. Mo, ga diragatsa seporofeso sa baporofiti kaga Mesia se se reng, “O tlaa bidiwa Monasara”.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
a ba a fitlha a aga mo motseng o o bidiwang Nasaretha; ka go dira jalo ga dirafala se se builweng ke baporofeti ba re: “O tla bidiwa Monasaretha.”
Tswana Setswana 1970
a ba a fitlha a aga mo motseng o o bidiwang Nasaretha; ka go dira jalo ga dirafala se se builweng ke baporofeti ba re: “O tla bidiwa Monasaretha.”