Matthew 23:15 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Gonne lo dikologa lewatle le lefatshe, gore lo tle lo ikgapele motho a le mongwe fela wa tšhaba; mme e re a sena go fetolwa jalo, lo mo ntshe ngwana wa molete wa molelo, yo o bileng a gaisa lona sebedi.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Go latlega lona, bakuari le Bafarisai, baitimokanyi; gone loa ralala leoatle le lehatse go riha moperoseliti a le moñue hela; mi ere a sina rihoa, loa mo riha ñuana oa molete oa molelo ga tu bogolu go lona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ee, a bo go latlhega baitimokanyi. Gonne lo tsamaya sekgala se se telele gore lo sokolole motho a le mongwe, mme lo bo lo mo fetola gore a nne ngwana wa molete go menaganye go lo gaisa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Go madimabe lena bamangwalo le Bafarisei, baikaketsi! gobane le sepela lewatleng le naga go yo dira mosokologi o tee, lege a dirilwe, le mo dira ngwana wa dihele go feta lena gabedi.
Tswana Setswana 1970
“Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo dikologa lewatle le lefatshe go itlhabololela motho a le mongwe fela; mme e re a sena go nna jalo, lo mo dire morwa molete wa molelo go lo feta gabedi.