Matthew 26:58 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme Petere a mo latela a saletse kgakala, a ya kwa kgotleng ya moperesiti yo mogolo, a tsena, a dula le maotlana, gore a bone bokhutlo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Petero a mo latela a le khakala go ea kua tluñ ea moperiseti eo mogolu, mi ka a tsena a lula le batlañka go bona bokhutlo.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme e rile ka yone nako eo Petere a bo a le kgakala a mo setse morago, mme a tla mo kgotleng ya moperesiti yo mogolo a tsena mo teng a nna le masole, mme a emela go bona se se neng se tsile go diragalela Jesu.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa Petere a mo latela a le kgole go fihla mosate wa moperisita yo mogolo, a tsena a dula fase le bahlanka go bona bofelo.
Tswana Setswana 1970
Petoro a mo latela a le kgakala, go ya go fitlha kwa lapeng la moperesiti yo mogolo, a tsena mo go lone, a nna le batlhanka gore a bone bokhutlo jwa tsheko.