Matthew 27:41 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ditlhogo tsa baperesiti le bone, ba na le bakwadi le bagolwane, ba mo sotla fela jalo, ba re:
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Baperiseti le bona, le bakuari, le bagolu, le Bafarisai, ba mo shotla, ba re,
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba Sejuda le bone ba mo kgala ka tshotlo ba re, “O bolokile ba bangwe, mme ga a kgone go ipoloka! Ga ke re o Kgosi ya Baiseraele, a ga go jalo? Jalo he, fologa mo mokgorong ke gone re tlaa go dumelang! O ikantse Modimo, a Modimo o supe gore o eme le ene o mo golole! A ga a are, ‘Ke Morwa Modimo’?”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka yona tsela yeo, baperisita ba bagolo gotee le bamangwalo le bagolo ba mo kwera.
Tswana Setswana 1970
Baperesiti ba bagolo le bone, mmogo le Baitsedikwalo le bagolo ba morafe, ba mo sotla fela jalo ba re: