Matthew 4:21 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ya re a tswa foo, a fitlhela ba bangwe ba le babedi, e le bana ba monna, e bong Jakobe morwa Sebete, le Johane monnawe, ba na le Sebete rraabo mo mokorong, ba tlhamaganya ditloa tsa bone; mme a ba bitsa.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ka a coela pele, a bona bakauleñue ba sele ba tu, ki Yakobo, moroa Sebedaio, le Yohane monnaue, mo shepeñ le rabo Sebedaio, ba tlamaganya litloa tsa bona; mi a ba bitsa.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ya re kgakalanyana mo motlhabeng wa lotshitshi, a bona bana ba motho ba bangwe gape ba le babedi, ebong Jakobe le Johane ba ntse mo mokorong le Sebede rraabo, ba roka matloa a bone; mme le bone a ba bitsa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Go tloga moo a bona bana babo ba bangwe ba babedi, e lego Jakobo, morwa wa Tsebedeo, le Johane, ngwanabo, ba le ka sekepeng le tatago bona Tsebedeo, ba lokisa malokwa a bona. A ba bitsa.
Tswana Setswana 1970
Ya re a fetela pele go tswa foo, a bona bana ba motho ba bangwe ba le babedi, e bong Jakobo, morwa Sebeteo, le Johane monnawe, ba na le Sebeteo rraabo mo mokorong, ba baakanya matloa a bone; a ba bitsa.