Matthew 5:22 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
mme nna ke lo raya ke re, mongwe le mongwe yo o galefelang wa ga gabo ka bomo, o tlaa bo a na le go sekisiwa; mme le fa e le mang yo o tlaa rayang wa ga gabo a re: ‘Selo fela,’ o tlaa bo a na le go ya tshekong; le fa e le mang yo o tlaa reng, ‘Seeleele ke wena,’ o tlaa bo a lebanywe ke molete wa molelo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi kia lo raea, Leha e le mañmañ eo o galehañ hela le mokauleñue oa gague, e si ka tsiamo, o tla berioa ki tsiamisho; mi leha e le mañmañ eo o raeañ mokauleñue oa gague, Seo hela, o tla berioa ki tseko e kholu: mi leha e le mañmañ eo o mo raeañ, Lesilo ki uena, o tla berioa ka molelo oa molete.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme ke okeditse molao oo, e bile ke lo bolelela gore fa o shakgetse fela, le fa e le mo motseng wa gago, o lebaganywe ke katlholo! Fa o bitsa tsala ya gago seeleele, o ka nna wa tseelwa kwa kgotleng ya tshekelo fa o mo hutsa, o mo diphatseng tsa molete wa molelo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa ke le botsa gore motho le ge e le ofe yo a galefelago ngwanabo ka ntle le lebaka o kotsing ya go ahlolwa; lemang le mang yo a rego go ngwanabo: Raka, o tla ba kotsing go tswa Lekgotleng; eupsa yo mongwe le yo mongwe yo a rego: Wena lesilo! e tla ba kotsing ya mollo wa dihele.
Tswana Setswana 1970
Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o galefelang mokaulengwe wa gagwe fela, o tla atlholelwa petso; yo o rayang mokaulengwe wa gagwe a re: ‘Selo ke wena!’ o tla tshwanelwa ke katlholo ya lekgotla le legolo; yo o reng: ‘Lesilo ke wena!’ o tla tshwanelwa ke go latlhelwa kwa moleteng wa molelo.