Matthew 9:28 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ya re a sena go fitlha mo ntlong, difofu tsa tla kwa go ene; mme Jesu a di raya a re: “A lo a dumela fa ke nonofile go dira selo se?” Ba mo raya ba re: “Ee, Morena.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi o rile a sina tsena mo tluñ, liholu tsa ea go ena, mi Yesu a li raea, A loa rumela ha ’nka riha seo se? Tsa mo raea, E, Morena.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ba tsena mo tlung kwa a neng a nna teng, Mme Jesu a ba botsa a re, “A lo dumela fa ke nonofile go lo foufolola?” Ba re, “Morena, re a dumela.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Lege A tsena ka ntlong, difofu di ile tsa tla go Yena; leJesu a re go bona: Na le a dumela gore nka kgona go dira se? Ba re go Yena: Ee, Morena!
Tswana Setswana 1970
Ya re a sena go tsena mo ntlong, difofu tsa tla fa go ene. Jesu a ba raya a re: “A lo dumela gore ke nonofile go dira jalo?” Tsa mo raya tsa re: “Ee, Morena.”