Nahum 2:3 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Thebe ya diganka tsa gagwe e hubiditswe, banna ba ba dinatla ba gagwe ba apere bohibidu jo bo letlhololo; dikara di šadiega ka tshipi ya setale mo motlheng wa ipaakanyo ya gagwe, le marumo a otwa mo go boitshegang.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Lithebe tsa linatla tsa bona li hubiricoe, banona ba ba nonohileñ ba apere sekarelata: licariota li na le litime tsa molelo mo motleñ o ipakan-tseñ ka ona, mi marumo a otoa segolu.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Thebe ya bagale ba gagwe e khubedu, bagale ba apere diaparo tse khubedu;
Tswana Setswana 1970
Dithebe tsa bagale ba gagwe di hubiditswe, batlhabani ba apere bohibidu; tshipi ya dikoloi tsa ntwa e phatsima jaaka molelo ka letsatsi le o di baakanyang ka lone, mme marumo a a kgadikanngwa.