Nehemiah 3:24 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Morago ga yo ga mamatlelela Binnui morwa Henatate tema e nngwe, go tswa fa ntlong ya ga Asaria go ya kwa tshokologong ya lorako, le kwa kgokgotshong.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Binue moroa Henadade, a mamatlelela selekano se señue morago ga gague, go simolola ka eintlu ea Asarie go ea khokhocoñ, le kua khokhocoñ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka morago ga gagwe Binui morwa wa Henadade a lokisa karolo e nngwe, go tloga ntlong ya Asaria go fihla sekhutlong sa morako le sekhutlong.
Tswana Setswana 1970
A tlhomaganngwa ke Binui, morwa Henatate; ene a baakanya karolo e nngwe go tloga kwa ntlong ya ga Asaria go fitlha kwa sekhutlong le kwa ntlheng.