Nehemiah 6:10 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ka ya kwa ntlong ya ga Shemaia morwa Delaia morwa Mehetabele yo o ne a tswaletswe; mme a re: “A re kopanele mo ntlong ya Modimo, mo teng ga tempele, a re tswale tempele; gonne ba tlaa tla go go bolaya; ee, ba tlaa tla go go bolaya bosigo.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi erile ki tsena mo tluñ ea Shemaye moroa Delaye moroa Mehetabele, eo o cualecoeñ, a re, A re khatlane mo tluñ ea Morimo, gare ga tempela, mi a re kopele licualo tsa tempela: gone ba tla tla go gu bolaea: E, ba tla tla go gu bolaea ka bosigo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka ya ntlong ya Shemaia morwa wa Delaya morwa wa Mehetabeele, yo a bego a tswaletswe. A re: “A re kopaneng ka ntlong ya Modimo, ka gare ga tempele, re tswalele mejako ya tempele, gobane ba tla tla go go bolaya; ee, bosego ba tla go bolaya.
Tswana Setswana 1970
Letsatsi le lengwe ya re ke tsena mo ntlong ya ga Semaya, morwa Delaya morwa Mehetabele, ene a sa ntse a thibetswe, a nthaya a re: “A re utlwane re ye kwa Ntlong ya Modimo, re tsene mo Tempeleng, re tswale ditswalo tsa Tempele; gonne ba tla tla go go bolaya, ba tla go go bolaya bosigo.”