Nehemiah 9:17 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ba gana go utlwa, le gone ba se ka ba gopola dikgakgamatso tsa gago tse o kileng wa nna wa di dira mo gare ga bone; ba ithatafatsa dithamo tsa bone, le mo tsuololong ya bone ba itlhomela kgosi go tla ba boela kwa kgolegong ya bone; mme wena, o Modimo o o maitshwarelo; o pelotshweu, o tletse bopelotlhomogi, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko, wa se ka wa ba latlha.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ba gana go utlua, le go gakologeloa likhakhamaco tsa gago, tse u lu ua li riha mo go bona; mi ba thatahatsa thamo tsa bona, mi ba itaolela tlogo ka cuulolo ea bona go boela mo tiheloñ ea bona ea kholelo: mi u Morimo oa maicuarelo, le tsalano, le boutluelo botluku, u bonya go galeha, le oa pelunomi e kholu, mi ga ua ka ua ba tlogela.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba gana go kwa, ba se ka ba ela hloko mehlolo ya gago yeo o e dirilego gare ga bona; eupsa o ba thatafaditse melala, wa ba dira babusi borabeleng bja bona, gore ba boele bothopsa bja bona; eupsa o Modimo wa go lebalela, wa kgaugelo, wa kgaugelo, wa go tia, wa go tlala kgaugelo, le ga se wa ba lahla.
Tswana Setswana 1970
ba gana go utlwa, ba se ka ba gopola dikgakgamatso tsa gago tse o di ba diretseng, mme ba gagamatsa dithamo, ba ipatlela moeteledipele go boela kwa Egepeto kwa botlhankeng jwa bone ka borukhutlhi jwa bone, mme wena o Modimo wa maitshwarelo, o bopelotlhomogi o boutlwelo-botlhoko, o pelotelele, o mogolo loratong, wa se ka wa ba tlogela,