Nehemiah 9:27 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke gone ka moo wa ba tsenya mo seatleng sa baba ba bone, mme ba ba patika: e rile mo motlheng wa patikego ya bone, ka ba goela kwa go wena, wa utlwa o le mo legodimong; mme ka mautlwelobotlhoko a gago a le mantsi, wa ba naya bagolodi, ba ba ba golotseng mo seatleng sa baba ba bone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi u lu ua ba tsenya mo atleñ tsa baganetsi ba bona, ba ba pitlaganya; mi ba gu biletsa ka motla oa tlalelo ea bona, mi ua ba utlua mo legorimoñ: mi ua ba naea bagolori kaha bogoluñ yoa mautluelo botluku a gago, ba ba ba gololañ mo atleñ tsa baganetsi ba bona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka ka baka leo o ba gafetsego diatleng tsa manaba a bona ao a ba galefilego; le go ya ka dikgaugelo tsa gago tse dintsi o ba file bapholosi bao ba ba pholositsego diatleng tsa manaba a bona.
Tswana Setswana 1970
Ke ka moo o neng wa ba neela mo diatleng tsa baba ba bone, mme ba ba pitlaganya; mme e ne ya re ka sebaka sa tlalelo ya bone, fa ba lelela kwa go wena, o ba utlwe o le kwa legodimong, mme ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa gago o ba neele bagolodi; ba ba golole mo diatleng tsa baba ba bone.