Nehemiah 9:28 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“E ne e tle e re ba sena go bona boikhutso, ba be ba dire bosula fa pele ga gago gape: ke gone ka moo o ne wa ba tlogela mo seatleng sa baba ba bone, mme ba dira le taolo mo go bone. Le fa go ntse jalo, e ne e re ba boa, ba go lelela, o ba utlwe o le mo legodimong; wa ba golola gantsi ka fa mautlwelongbotlhoko a gago.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi eare ba sina na le boikhuco, ba ba ba leoha ha pele ga gago: ki gona u ba tlogetseñ mo atleñ tsa baba ba bona, mi ba ba busa: mi eare ba shukuloga, ba gu khayayegela, ua ba utlua mo legorimoñ; mi ua ba golola ka metla e le mentsi kaha mautlueloñ botluku a gago;
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa ka morago ga ge ba khuditse, ba boela ba dira tse mpe pele ga lena; ka fao a ba gafela diatleng tsa manaba a bona, gore ba be le taolo godimo ga bona; le gantsi o ba lopolotse ka dikgaugelo tsa gago;
Tswana Setswana 1970
Mme e ne ya re ba ikhutsa, ba boele go dira tse di bosula gape fa pele ga gago, mme o ba tlogele ba le mo diatleng tsa baba ba bone, mme ba ba gatelele; jaanong ba ne ba tle ba lelele kwa go wena gape, mme o ba utlwe o le kwa legodimong, o ba namolele gangwe le gape ka fa boutlwelong-botlhoko jwa gago.