Numbers 11:26 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ga bo go ne go setse banna ba le babedi kwa bothibelelong; leina la mongwe e le Eletate, leina la yo mongwe e le Metate; mowa wa nna mo go bone, ba bo ba le mo palong ya bone ba ba kwadilweng, mme ba se ka ba tswela kwa mogopeng; ba perofesa ba le kwa bothibelelong.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ga bo go setse banona ba tu mo botlaoleloñ, leina ya moñue e le le Eledade, mi leina ya eo moñue e le le Medade: mi moea oa nna go bona; gone e le le ba ba ba kuariloeñ, mi ba si ka ba coela kua tenteñ: mi ba perofesa mo botlaoleloñ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa go be go setse banna ba babedi mesaseng, yo mongwe e le Eldade, yo mongwe e le Medade; mme Moya wa dula godimo ga bona; e be e le ba baporofeta, ba etswa taberenakaleng; ba porofeta mesaseng.
Tswana Setswana 1970
Mme banna bagolo ba le babedi ba ne ba setse kwa bothibelelong, leina la mongwe e ne e le Eletate, la yo mongwe e le Metate. Le bone ba tsenwa ke Mowa. Gonne ba ne ba kwadilwe mmogo, mme ba se ka ba tswela kwa Tenteng. Ba ne ba bua jaaka baporofeti mo bothibelelong.