Numbers 17:10 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jehofa a raya Moše a re: “Busetsa thobane ya ga Arone kwa pele ga tshupo, go ya go bolokwa teng, e le sesupo se se sekisang bana ba tsuololo, gore o khutlise dingongorego tsa bone ka ga me, gore ba tle ba se ka ba swa.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi Yehova a raea Moshe, Ba u ise tsama ea ga Arone ha pele ga seshupo, go bulukeloa bacuülori go na cupo; mi u khutlise ñoñorego tsa bona ha go ’na, gore ba si shue.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Jehofa a re go Moše: “Tlisa lepara la Arone pele ga bohlatse, gore o le nee bohlatse go bona.” Ntseele musi wa bona, gore ba se hwe.
Tswana Setswana 1970
Mme Morena a raya Moše a re: “Busetsa thobane ya ga Arone fa pele ga Letlole la Tshupo ya Molao gore e bolokwe go nna sesupo mo dirukhutlhing, o khutlise dingongorego tsa bone, o di tlose mo go nna gore ba se ka ba swa.”