Numbers 18:11 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Sa gago ke se, tshupelo ya tsholetso ya neo ya bone, e bong ditshupelo tsotlhe tsa mofoko tsa bana ba Iseraele; ke di neile wena, le bomorwao, le bomorwadio nao, e le tshiamelo ka bosakhutleng; mongwe le mongwe yo o itshekileng mo ntlong ya gago a je ga tsone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi le tse ki tsa gago; cupelo ea culeco ea neo ea bona, le cupelo tsa kelero tsa bana ba Yeserele cotle: ki li gu neile, le bomoroau le bomoroariu nau, ka taeo e e sa khutleñ; moñue le moñue eo o itsekileñ mo tluñ ea gago o ka li ya.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka ya gago; le dikabelo tsa dimpho tsa bona, le dikabo ka moka tsa bana ba Baiseraele; Ka di file wena, le barwa ba gago, le barwedi ba gago, ka molao wa go isa mehleng ya neng le neng;
Tswana Setswana 1970
“Se le sona e tla nnang sa gago ke diabe tsa dineo tse dingwe tsa bone, e bong tsa ditshupelo tsa kgadikanyo tsotlhe tsa Baiseraele; ke di file wena le bomorwao le bomorwadio e le tshiamelo e e nnelang ruri. Botlhe ba ba itshekileng mo lapeng la gago ba ka di ja.