Numbers 18:9 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mo e tlaa nnang ga gago ga dilo tse di boitshepo jo bo itshepileng, mo go siilweng mo molelong ke mo: Seromololo sengwe le sengwe sa bone, e bong tshupelo nngwe le nngwe ya bone ya boupe, le tshupelo nngwe le nngwe ya bone e e fisiwang, le tshupelelo nngwe le nngwe ya bone ya molato, e ba tlaa e nkisetsang, e tlaa nna boitshepo jo bo itshepetseng wena le bomorwao.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Tse, tsa itsepho ea maitsepho tsa molelo, li tla na tsa gago: tsa cupelo cotle tsa bona, le tsa cupelo cotle tsa bona tsa liyo, le tsa cupelo cotle tsa bona tsa boleo, le tsa cupelo cotle tsa bona tsa molatu, tse ba tla li lereñ go ’na, a li ne itsepho ea maitsepho go uena le bomoroau.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
E tla ba ya gago go tswa dilong tse kgethwa kudu tseo di dirilwego ka mollo: dihlabelo tsa bona ka moka tseo di fiswago ka mollo le dihlabelo tsa bona ka moka tse di fisitswego ka mollo le dihlabelo tsa bona ka moka tsa sebe le dihlabelo tsa bona ka moka tsa molato tseo a tlago go mpha tsona e tla ba tse di phagamego kudu. Ka se sekgethwa go wena le barwa ba gago.
Tswana Setswana 1970
Se e tla nnang sa gago ke se se sa fisiweng sa dineo tse di boitshepotshepo, e bong dineo tsotlhe tsa bone tsa ditshupelo tsa dijo le tsa ditlhabelo tsa boleo le tsa ditlhabelo tsa molato tse ba di ntlisetsang e le tefa; ke tsona tse di boitshepotshepo tsa gago le bomorwao.