Numbers 21:18 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Sediba se dikgosana di se epileng, se bagolwane ba batho ba se phuntseng ka thobane ya bogosi le ka dikepu tsa bone.” Go tswa nageng eo ba ya kwa Matana;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Likhosana tsa epa seriba, bagoluane ba bathu ba se epa ka mokaeri, ka liphañ tsa bona. Mi ba coa bogareñganaga ba ea go Matana:
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Bakgomana ba epa sediba, bakgomana ba setshaba ba se epa ka dithupa tsa bona ka taelo ya kgosana. Ka moka ba tloga lesokang ba ya Matana.
Tswana Setswana 1970
Ke sediba se dikgosana di se epileng, sa gabiwa ke batlotlegi ba morafe ka thobane ya bogosi le ka dikepu tsa bone!” Go tloga kwa sekakeng ba ya kwa Mathana.