Numbers 22:5 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme a roma barongwa kwa go Balaame morwa Beore, kwa Pethore, o o fa Nokeng, kwa lefatsheng la bana ba batho ba ga gabo, ba ya go mmitsa, ba re: “Bona, go na le batho ba ba tswang kwa Egepeto; bona, ba khurumeditse lefatshe, ba ntse bolebagana le nna;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a romela Balame moroa Beore baroñoi, kua Petora o o ha molapoñ oa hatsi ya bana ba ga Amone, go mitsa, a re, Bona, go bathu ba ba coañ Egepeto: bona, ba khurumetsa lehatsi yeotle, mi ba nntse go lebagana le ’na:
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A roma baromiwa go Balaame morwa wa Beoro go Petro, yo a lego kgauswi le noka nageng ya bana ba setshaba sa gabo, ba re: “Bona, setshaba se tswile Egepeto; bona, ba khupeditse lefatshe, ba dula kgauswi le nna.
Tswana Setswana 1970
Ene a roma barongwi kwa go Bileame morwa Beore kwa Phethore yo o fa nokeng ya Ferathe, lefatsheng la ga gabo gore ba ye go mmitsa ba re: “Bona, morafe o dule kwa Egepeto, jaanong o farafarile lefatshe lotlhe, o thibeletse go lebagana le nna.