Numbers 24:8 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Modimo wa mo ntsha mo Egepeto; o na le thata ekete ya nare; o tlaa ja a swetsa merafe e e leng baganetsi ba gagwe, o tlaa robakanya marapo a yone, a e phololetse ka metswi ya gagwe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Morimo o lo oa ba entsa mo Egepeto; thata ea ona e cuana le ea cukuru: merahe e e leñ baba ba bona, ba tla e nyeletsa, ba roba marapo a eona, ba e kuenisa ka mecui ea bona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Modimo o mo ntshitse Egepeto; o na le matla a nate; o tla ja dinaga tsa manaba a gagwe, a pshatlaganya marapo a tsona, a di phunya ka mesebe ya gagwe.
Tswana Setswana 1970
Modimo o ba ntshitse kwa Egepeto, o tshwana le dinaka tsa nare mo go bone. Ba tla nyeletsa baheitane, baba ba bone, le go ba roba marapo, ba ba tlhabaka ka metsu ya bone.