Numbers 31:30 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mo kabelong ya bana ba Iseraele, mo masomeng a matlhano mangwe le mangwe o tseye setshedi se le sengwe fela, sa batho, sa dikgomo, sa diesela, sa matsomane, e bong ditshedi tsotlhe, mme lo di neye Balefi ba ba tshegetsang tebelo ya motlaagana wa ga Jehofa.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi tsaeañ eintla eñue ea bana ba Yeserele, eboñ kabelo e le eñue ea ba faevete, ea bathu, le ea likhomu, le ea liesela, le ea liñku, le ea tse ri tserileñ cotle, mi lo li nee Baleva ba ba tsegetsañ tebelo ea taberenakela ea ga Yehova.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Go seripa-gare sa bana ba Baiseraele o tsee e tee e masomehlano, e lego ya motho le ya diphoofolo, ya pokolo le ya diphoofolo, ya mehuta ka moka, o di nee Balefi bao ba hlokomelago mohlape tirelo. Ya taberenakale ya Jehofa.
Tswana Setswana 1970
Mme mo bontlhanngweng jwa Baiseraele o tsee bongwe, bo ntshiwe mo masomeng a matlhano mangwe le mangwe a batho le a dikgomo le a diesele le a difutshane le a diruiwa tsotlhe, o bo neele Balefi ba ba tlhokomelang tirelo ya Tempelana ya Morena.”