Numbers 7:3 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ba isa seromololo sa bone fa pele ga Jehofa, makoloi a a khurumeditsweng a le marataro, dikgomo di le 12, koloi e le nngwe fela e pataganetswe ke dikgosana di le pedi, mme kgomo ya mongwe le mongwe wa bone, ba di isa fa pele ga motlaagana.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi tsa tlisa cupelo tsa cona ha pele ga Yehova, eboñ likoloi tse ri litenta li le sekes, le lipelesa li tueleve; koloi ea khosana li tu, le pelesa ea eñue le eñue: mi tsa li isa ha pele ga taberenakela.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba tlisa sebego sa bona pele ga Jehofa, dikoloyana tse tshela tse di khupeditswego le dipoo tse lesomepedi; koloi ya dikgosana tse pedi, le kgomo ya yo mongwe le yo mongwe; ba ba tlisa pele ga tabarenakale.
Tswana Setswana 1970
ba tlisa neo ya tshupelo ya bone fa pele ga Morena, e bong dikoloi di le thataro tsa mankhurumetswane le dikgomo di le 12. Bagogi ba le babedi ba ntshitse koloi e le nngwe, mogogi mongwe le mongwe a ntshitse kgomo. Ba di tsisa fa pele ga Taberenakele.