Numbers 8:12 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme a Balefi ba beye diatla tsa bone mo ditlhogong tsa dikgongwana, o ise nngwe tshupelelo ya boleo, le e nngwe tshupelo e e fisediwang Jehofa, go direla Balefi tetlanyo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a Baleva ba bee atla tsa bona mo tlogoñ tsa lipoana: mi u bakanyetse cupelo ea boleo e le eñue, mi e eñue cupelo ea phisho go Yehova, go ruantsa Baleva.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Balefi ba bee diatla tsa bona godimo ga dihlogo tsa dipoo, e nngwe o neele Jehofa e le sebego sa sebe le e nngwe e be sehlabelo sa go fiswa, gore o direle Balefi poelano.
Tswana Setswana 1970
Jaanong Balefi ba bee diatla mo ditlhogong tsa dipoana, o be o direle Morena nngwe go nna setlhabelo sa boleo le ya bobedi go nna setlhabelo sa phiso go batlela Balefi boitshwarelo.