Revelation 11:12 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ba utlwa lentswe le legolo, le le tswang legodimong le ba raya le re: “Tlhatlogelang kwano.” Ba tlhatlogela kwa legodimong ba le mo lerung; baba ba bone ba ba bona.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ba utlua koru e kholu e coa legorimoñ e ba raea, Tlatlogelañ kuanu. Mi ba tlatlogela kua legorimoñ ka leru; mi baba ba bona ba ba bona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Hong lentswe le legolo le tlaa goa le tswa kwa legodimong le re, “Tlhatlogelang kwano!” Mme ba tlaa tlhatlogela kwa legodimong ba le mo lerung baba ba bone ba ba lebeletse.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba kwa lentsu le legolo go tswa legodimong le re go bona: “Rotogela mo.” Ba rotogela legodimong ka leru; manaba a bona a ba bona.
Tswana Setswana 1970
Jaanong ba utlwa lentswe le legolo le tswa kwa legodimong, le ba raya le re: “Tlhatlogelang kwano!” Ba tlhatlogela kwa legodimong ka leru, baba ba bone ba ntse ba ba lebile.