Revelation 11:18 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ditšhaba tsa tlala bogale, mme bogale jwa gago jwa tla, le lobaka lwa baswi go atlholwa, le lobaka lwa go naya baperofeti batlhanka ba gago tuelo ya bone, le baitshepi, le ba ba boifang leina la gago, bannye le bagolo; le lwa go senya ba ba senyang lefatshe.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi merahe ea na bogale, mi bogale yoa gago bo tlile, le motla oa bashui, gore ba atloloe, le gore u ruele baperofeti batlañka ba gago, le baitsephi, le ba ba boihañ leina ya gago, banye le bagolu; le go senya ba ba senyañ lehatse.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
“Dichaba di ne di go galefetse, mme jaanong ke nako ya gago gore o ba galefele. Ke nako ya go atlhola baswi, le go duela batlhanka ba gago, baporofiti le batho ka go tshwana, botlhe ba ba boifang leina la gago, bagolo le bannye, le go nyeletsa ba ba dirileng tshenyo mo lefatsheng”.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ditshaba tsa galefa, legwa tla bogale bja gago le nako ya bahu, gore ba tla ahlolwa, le gore o nee moputso go bahlanka ba gago, baporofeta, le bakgethwa le bao ba boifago leina la gago, ba banyenyane le kgolo; o fedise bao ba senyago lefase.
Tswana Setswana 1970
Baditšhaba ba ne ba gakala; mme bogale jwa gago bo tsile, le nako ya baswi ya go atlholwa, ya go naya batlhanka ba gago tuelo, e bong baporofeti le baitshepi le ba ba boifang leina la gago, ba babotlana le ba bagolo, – ya go senya ba ba sentseng lefatshe.”