Revelation 12:5 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme a belega ngwana, ngwana wa mosimane, yo e leng ene yo o tlaa busang ditšhaba tsotlhe ka tsamma ya tshipi; mme ngwana wa gagwe a phamolwa a isiwa kwa Modimong, le kwa setulong sa one sa bogosi.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a belega ñuana oa mosimane, eo o la a tla laola bahaitene botle ka tsamma ea tsipi; mi ñuana oa gague a phamoleloa kua Morimoñ, le kua seruloñ sa bogosi sa ona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme a tshola ngwana wa mosimane yo o neng a tshwanetse go busa dichaba tsotlhe ka letsogo le le bokete, mme a phamolelwa kwa Modimong le kwa setilong sa one sa bogosi.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A belega ngwana wa monna yo a bego a tla busa ditshaba ka moka ka lepara la tshipi; ngwana wa gagwe a iswa go Modimo le sedulong sa gagwe sa bogosi.
Tswana Setswana 1970
Jaanong a belega ngwana wa mosimane yo o tla fudisang baheitane botlhe ka lore lwa tshipi; mme ngwana yoo wa gagwe a phamolelwa kwa Modimong kwa sedulong sa ona.