Revelation 14:4 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Bao ke ba ba se kang ba leswefala ka basadi; gonne ke makgarebane. Bao ke ba ba bopelang Kwana gongwe le gongwe kwa o yang teng. Bao ba tswa go rekwa mo bathong, gore ba nne mabutswelapele a Modimo le a Kwana.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ba ki ba ba sa leshueharioeñ ki basari; gone ba le makharebe. Ba ki bona ba ba salañ Kuana morago, le kua e eañ gona. Ba ki ba ba rekolocoeñ mo bathuñ, go na mauñuo a ntla mo Morimoñ, le mo Kuaneñ.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Gonne ga ba a leswafadiwa ke sepe mo meweng, ba itshekile jaaka makgarebane, ba sala Kwana morago gongwe le gongwe kwa o ya teng. Ba ne ba rekilwe mo gare ga batho ba ba mo lefatsheng e le ba ba tshwaetsweng Modimo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba ke bao ba sa silafatswago ke basadi; gobane ke dikgarebe. Ke bona ba latela Kwana kae le kae mo A yago gona. Ba lopollwa gare ga batho, e le dithakangwaga tsa Modimo le Kwana.
Tswana Setswana 1970
Bao ke bone ba ba sa ikgotlelang ka basadi; ka gonne ba ntse jaaka makgarebe. Bao ke bone ba ba latelang Kwana kwa e ka yang teng. Ke ba ba rekolotsweng mo gare ga batho gore ba nne mabutswapele a Modimo le a Kwana.