Revelation 16:19 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Motse o mogolo wa kgaoganngwa seraro, mme metse ya merafe ya wa; le Babilone o mogolo wa gopolwa mo ponong ya Modimo, gore o newe senwelo sa bojalwa jwa tšhakgalo ya bogale jwa one.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi motse o mogolu oa gagogañoa ga teri, mi metse ea bahaitene ea oa; mi Babelone o mogolu oa gopoloa ha pele ga Morimo, go o naea senoelo sa boyaloa yoa bogale yo bogolu yoa bogale yoa ona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Motse o mogolo wa “Babelone” wa kgaogana dikarolo di le tharo, le metse mo tikologong ya lefatshe ya gosomana ya fetoga matlotla; jalo Modimo wa gakologelwa boleo jotlhe jwa “Babelone,” mme a otlhaiwa go fitlhelela kwa lerothoding la bofelo la bogale jo bo mo senwelong sa mofine sa bogale jwa one jo bo tshabegang.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Motse o mogolo wa arolwa ka dikarolo tse tharo, metse ya ditshaba ya wa, Babilona e kgolo ya gopolwa pele ga Modimo, gore e mo nee senwelo sa beine ya mollo wa bogale bja gagwe.
Tswana Setswana 1970
Motse o mogolo wa kgaogana dikarolo di le tharo, metse ya merafe ya wa, Babilone yo mogolo a gopolwa fa pele ga Modimo gore a nosiwe senwelo sa bojalwa jwa kgakalo ya bogale jwa ona.