Revelation 16:21 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Sefako se sekima sa wela mo bathong, se tswa legodimong, tlhaka nngwe le nngwe e le bokete jwa dikilokerame di le 50; mme batho ba tlhapatsa Modimo ka ntlha ya petso ya sefako; ka petso ya sone e le kgolo thata.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi lihako tse ri kholu tsa oela mo bathuñ li coa mo legorimoñ, señue le señue se le kana ka bokete yoa talenta e le ñue hela; mi bathu ba khala Morimo ka ntla ea tsenyo ea lihako; gone tsenyo ea cona e le le kholu bogolu.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
mme ga wa sefako se segolo kwa legodimong; maje a sone a le bokete jwa diponto di le lekgolo a wa kwa legodimong a wela batho mo lefatsheng, mme ba hutsa Modimo ka ntlha ya sefako se se boitshegang seo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Sefako se segolo go tswa legodimong sa wela setshaba, lefsika le lengwe le le lengwe la boima bja talente; setshaba sa nyefola Modimo ka leuba la sefako; gobane leuba la gagwe e be e le le legolo kudu.
Tswana Setswana 1970
Sefako se segolo sa bokete jwa diponto di le lekgolo sa wela mo bathong, se tswa kwa legodimong; mme batho ba kgala Modimo ka ntlha ya petso ya sefako, ka petso ya sona e le e kgolo thata.