Revelation 18:17 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gonne mahumo a a kalokalo a swafaditswe ka nako e le nngwe fela.” Le mongwe le mongwe yo e leng mong wa sekepe, le mongwe le mongwe yo o etelang gongwe le gongwe ka sekepe, le ba e leng batho ba lewatle, le botlhe ba ba ipapalelang ka lewatle, ba emela kgakala,
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone mahumo a magolu a nyelericoe ka oura o le moñue hela. Mi bashupatsela botle ba shepa, le bathu botle ba ba mo shepeñ, le ba shepa, le botle ba ba rekañ mo leoatleñ, ba emela khakala,
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ka motsotso o le mongwe, dikhumo tsotlhe tsa motse di fedile!” Le beng ba dikepe botlhe le balaodi ba dikepe tsa barekisi le badiri mo dikepeng ba tlaa emela kgakala,
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gobane ka iri e tee mahumo a magolo gakaakaa a ile a hwelela. Molaodi yo mongwe le yo mongwe, le lesaba ka moka la dikepe, le basesisi, le bagwebi ka moka ba lewatle, ba ema kgole.
Tswana Setswana 1970
ka khumo e e kalokalo e sentswe ka nako e le nngwe fela!” Le bakgweetsi botlhe ba dikepe le botlhe ba ba etelang felo gongwe ka sekepe le ba ba dirang mo dikepeng le botlhe ba ba bapalang mo lewatleng ba emela kgakala,