Revelation 2:14 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Go na le dilo dingwenyana tse ke di go nyaletsang, ka o na le bangwe koo ba ba dumelang thuto ya ga Balaame, yo o ne a ruta Balake go baya sekgopiso fa pele ga bana ba Iseraele, gore ba je dilo tse di isediwang medimo ya disetwa ditlhabelo, le go dira kgokafalo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ki na le lilo tse ri potlana nau, gone u na le gona ba ba tsegetsañ thuto ea ga Balame, eo o la a ruta Balake go baea sekhopisho ha pele ga bana ba Yeserela, gore ba ye lilo tse ri shupelecoeñ merimo ea liseto, le go gokahala.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
“Mme le fa go ntse jalo ke na le dilo di se kae tse ke kgatlhanong nao ka tsone. O dumalana le bangwe mo go lona ba ba dirang jaaka Balame a ne a dira fa a ruta Balake go senya batho ba Iseraele ka go ba tsenya mo boakeng a bo a ba kgothatsa go ya medirong ya medimo ya disetwa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa ke na le dilo tse sego kae kgahlanong le wena, ka gobane moo o na le bao ba swerego thuto ya Bileama, yo a rutilego Balaka go lahlela kgopiso pele ga bana ba Isiraele, go ja dihlabelo tsa medingwana le go dira bootswa.
Tswana Setswana 1970
Mme go na le dilo di se kae tse ke go nyatsang ka ntlha ya tsona, ka o na le bangwe koo ba ba dumelanang le thuto ya ga Bileame yo o rutileng Balake go beela Baiseraele sekgopi gore ba je tse di tlhabetsweng medimo ya diseto le go dira boaka.