Revelation 2:9 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke a e itse pitlagano ya gago, le khumanego ya gago – mme o humile – ke a go itse go tlhapatsa ga ba ba ikayang gore ke Bajuta, mme e se bone, e le ba phuthego nngwe ya ga Satane.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Kia itse tiho tsa gago, le pogisho, le khumanego, (mi u humile,) mi kia itse khalo ea bona ba ba reñ, re Bayudi, mi e si bona, mi ki ba senagoge sa ga Satane.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
“Ke itse ka fa o bogelang Morena ka teng, e bile ke itse gotlhe ka khumanego ya gago (mme o na le dikhumo tsa selegodimo)! Ke itse kgobololo ya ba ba go ganetsang, ba ba reng ke Bajuta, bana ba Modimo, mme e se bone, gonne ba eme nokeng maikaelelo a ga Satane.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ke tseba mediro ya gago le masetla-pelo le bodiidi, eupsa wena o humile, ke tseba thogako ya bao ba rego ke Bajuda eupsa ga se bona, eupsa ke sinagoge ya Sathane.
Tswana Setswana 1970
“ ‘Ditiro tsa gago le pitlagano ya gago le khumanego ya gago ke a di itse, mme o humile – le kgalo ke a e itse ya ba ba ipitsang Bajuta, etswe e se bone, e le ba phuthego ya ga Satane.