Revelation 20:11 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ka bona setulo se segolo se sesweu sa bogosi, le ene yo o dutseng mo go sone, yo lefatshe le tshabileng sefatlhogo sa gagwe, le legodimo; mme ga se ka ga fitlhelwa fa a ka nnang teng.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ka bona serulo sa bogosi se segolu se se shueu, le eo o rutseñ mo go shona, eo sehatlogo sa gague lehatsi le legorimo le ya se tsaba; mi ga si ka ga boneloa bonno yoa aona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme ka bona setilo sa bogosi se segolo se se sweu le yo o se ntseng, yo lefatshe le legodimo di neng tsa tshaba sefatlhogo sa gagwe, mme tsa tlhoka fa di iphitlhang teng.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka bona sedulo se segolo se sesweu sa bogosi le Yo a bego a dutse godimo ga sona, yo lefase le legodimo di ilego tsa tshaba sefahlegong sa gagwe; lega se gwa hwetswa lefelo bakeng sa bona.
Tswana Setswana 1970
Jaanong ka bona sedulo sa bogosi se segolo se sesweu le yo o ntseng mo go sona, yo legodimo le lefatshe di tshabileng sefatlhego sa gagwe, mme tsa se ka tsa bonelwa bonno.