Revelation 21:8 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ka ga ba ba magatlapa, le ba ba sa dumelang, le ba ba maswe, le babolai, le bagokafadi, le baloi, le ba ba direlang medimo ya disetwa, le baaki botlhe, kabelo ya bone e tlaa nna mo bodibeng jo bo šang ka molelo wa sulefura; mo e leng loso lwa bobedi.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi baboihi, le ba ba sa rumeleñ, le ba ba mashue bobe, le babolai, le bagokahari, le balöi, le ba ba rihelañ merimo ea liseto, le baaki botle, ba na le kabelo ea bona mo letseñ ye le shañ ka molelo le sulefura; lo e leñ loshu loa bo‐tu.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme magatlapa a a mphuralelang, le ba ba sa ikanyegeng mo go nna le ba ba bodileng, ke babolai, baitshekologi, ba ba buang le mewa e e maswe, le baobamedi ba medimo ya disetswa le baaki botlhe, tatlhego ya bone e mo lecheng le le tukang ka molelo le sebabole. Se ke loso lwa bobedi.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
O tla tswa go yo goketsa ditshaba tse di lego dikhutlong tse nne tsa lefase, e lego Gogo le Magogo, gore a di kgoboketse ntweng; palo ya bona e swana le santa ya lewatle.
Tswana Setswana 1970
Mme fa e le ba ba boi le ba ba sa dumeleng le ba ba maswe le babolai le diaka le baloi le ba ba direlang medimo e sele le baaki botlhe, bone kabelo ya bone e mo letsheng le le tukang molelo le sebabole; gona moo ke loso lwa bobedi.”