Revelation 3:9 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Bona, ke tlisa bangwe ba phuthego ya ga Satane, bone ba ba ikayang gore ke Bajuta, mme e se bone, ba aka. Bona, ke tlaa dira gore ba tle ba obamele fa naong tsa gago, le gore ba itse fa ke go ratile.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Bona, ki tla gu naea bañue ba senagoge sa ga Satane, ba ba reñ, ki Bayudi, me e si bona, mi ba aka; bona, ki tla ba riha go ea go obamela ha pele ga nao tsa gago, le go itse ha ki gu ratile.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Tlhokomela se: ke tlaa pateletsa ba ba emeng nokeng maikaelelo a ga Satane, ntswa ba ipitsa ba me (mme e se bone, ba aka) go wela fa dinaong tsa gago gore ba tle ba itse fa ke go ratile.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Bonang, ke ba dira ba sinagogeng ya Sathane bao ba rego ke Bajuda eupsa ga se bona, eupsa ba bolela maaka; bona, ke tla ba dira gore ba tle ba rapele maotong a gago leba tsebe gore ke go ratile.
Tswana Setswana 1970
Reetsa, ke go naya bangwe ba phuthego ya ga Satane ba ba ipitsang Bajuta, etswe e se bona, mme ba a aka; bona, ke tla dira gore ba tle, ba obamele fa dinaong tsa gago, ba lemoge gore ke go ratile.