Revelation 4:1 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
E rile morago ga dilo tse ka leba, mme bonang, ga bo go bulega mojako mo legodimong, mme lentswe la ntlha le ke le utlwileng, lentswe la mongwe, e kete la lonaka, a mpuisa; mme mongwe a bua a re: “Tlhatlogela kwano, ke tlaa go supetsa dilo tse di tlaa namang di dirafela.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
MORAGO ga tse ka leba, mi bonañ, moyako o lo o bucoe mo legorimoñ; mi koru ea ntla e ki e utluileñ, e bua le ’na, e le e cuana yaka ea terompeta, e re, Tlatlogela kuanu, mi ki tla gu bontsa tse ri tla rihahalañ morago ga yana.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme ya re ke leba, ka bona kgoro e butswe kwa legodimong, mme lentswe le ke neng ka le utlwa la ntlha, le le neng le utlwala jaaka tumo e kgolo ya lonaka, la bua le nna la re, “Tla kwano mme ke tlaa go supegetsa se se tlaa diragalang mo lobakeng lo lo tlang.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka morago ga se ka lebelela, ka bona mojako o butswe legodimong, lentsu la pele leo ke le kwelego le be le swana le phalafala e bolela le nna; yo a ilego a re: Etla godimo mo, leke tla go bontsha dilo tseo di swanetsego go direga ka morago ga mo.
Tswana Setswana 1970
Morago ga dilo tseo ka bona mojako mo legodimong o bulegile; lentswe la ntlha le ke le utlwileng le bua le nna e kete la lonaka la re: “Tlhatlogela kwano; ke tla go bontsha tse di tshwanetseng go dirafala metlheng e e tlang.”