Revelation 6:10 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme ba goa ka lentswe le legolo ba re: “Mong wa rona wee, yo o boitshepo le boammaaruri! Lobaka lo tlaa nna boleele bokae o sa atlhole, wa lefetsa madi a rona mo go ba ba agileng mo lefatsheng?”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ba bitsa ka koru e kholu, ba re, Go lele yañ, Morena, boitsepho le boamarure, a ga u sekise ua busholoseletsa mari a rona mo go bona ba ba agileñ mo lehatsiñ?
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ba goela kwa Moreneng ba re, “Morena yo mogolo, yo o boitshepo le boammaaruri, go tlaa nna goleele go le kae pele ga o atlhola batho ba lefatshe kaga se ba se re diretseng? O tlaa busolosetsa leng madi a rona mo go ba ba tshelang mo lefatsheng?”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba goeletsa ka lentsu le le hlabosago ba re: “Morena yo mokgethwa le wa thereso, na o sa ahlole le go itefeletsa madi a rena go badudi ba lefase go fihla neng?
Tswana Setswana 1970
Ba buela kwa godimo ba re: “Mmusi yo o boitshepo, yo o boammaaruri, go goleele go le kae, o sa atlhole, wa busolosetsa madi a rona mo go bona ba ba agileng mo lefatsheng?”