Revelation 6:11 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mongwe le mongwe wa bone a newa kobo e tshweu; ba rewa ga twe, ba name ba sa ntse ba itapolositse ka lobakanyana, go tle go tsamaye le bone batlhanka ka bone, le ba ga bone ba ba tlaa bolawang fela jaaka bone, ba dirafalelwe jalo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi moñue le moñue a necoe liaparo tse ri cueu; mi ba reiloe gore ba tle ba ikhutse ka motla o mo khutsanyane, go tlo go tsamaee palo ea batlañka ka bona le bakauleñue ba bona, ba ba tla bolaoañ yaka bona, e tlarioe.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme ba newa dikobo tse di tshweu tse di kgokgothang, mme ba laelwa gore ba name ba sa ntse ba itapolositse go fitlhelela bakaulengwe ba bangwe ba bone, batlhanka ka bone ba ga Jesu ba bolaelwa tumelo mo lefatsheng ba bo ba kopana nabo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Yo mongwe le yo mongwe wa bona a newa diaparo tse tshweu; leba botswa gore ba tla khutsa lebakanyana gape, go fihlela bahlanka-gotee le bona le bana babo bona ba tla phethagala bao ba bego ba tla bolawa go swana le bona.
Tswana Setswana 1970
Jaanong mongwe le mongwe wa bone a newa seaparo se sesweu, ba bolelelwa gore ba name ba sa ikhutsitse sebakanyana go ya palo e be e tlale ya batlhanka-ka-bone le ya badumedi-ka-bone ba le bone ba tla bolawang jaaka bone.