Revelation 8:7 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Wa ntlha a letsa, mme ga tloga ga nna sefako le molelo, go tlhakanye le madi, mme ga latlhelwa mo lefatsheng; mme ntlha ya seraro ya lefatshe ya lailwa ke molelo, le ntlha ya seraro ya ditlhare ya lailwa ke molelo, le bojang jo botala jotlhe jwa lailwa ke molelo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi moengele oa ntla a rumisa, mi ga na sehako, lo molelo o tlakancoe le mari, mi tsa rigeloa mo lehatsiñ; mi ntla ea bo‐teri ea litlare ea sha, le boyañ yotle yo bo talana yoa sha.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Moengele wa ntlha a letsa torompeta ya gagwe, mme sefako le molelo di tlhakane le madi tsa latlhelwa mo lefatsheng. Karolo ya boraro ya lefatshe ya fisiwa gore karolo ya boraro ya ditlhare e bo e lailwe ke molelo, le bojang jotlhe jo bo tala.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Morongwa wa pele a foka, sefako le mollo tsa latela di hlakane le madi, tsa lahlelwa lefaseng, karolo ya boraro ya dihlare ya fiswa, bjang bjo botala bja fiswa.
Tswana Setswana 1970
Moengele wa ntlha a letsa; mme ga na sefako le molelo di tlhakanye le madi, tsa latlhelwa mo lefatsheng; karolo ya boraro ya lefatshe ya šwa le karolo ya boraro ya ditlhare ya šwa le bojang jotlhe jo botala jwa šwa.