Revelation 9:1 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Moengele wa botlhano a letsa, mme ka bona naledi e wetse fa fatshe e tswa legodimong; mme a newa sekopololo sa molete o o se nang bolekeletso.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
MI moengele oa bo‐faev a rumisa, mi ka bona naleri e oela ha hatsi e coa legorimoñ; mi e necoe sekopelo sa molete o o sa khutleñ.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme moengele wa botlhano a letsa torompeta ya gagwe mme ka bona mongwe yo o wetseng mo lefatsheng a tswa kwa legodimong, mme ene a bo a neetswe dikopololo tsa molete o o se nang bolekanngo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Morongwa wa bohlano a letsa modumo, ka bona naledi e wela lefaseng e etswa legodimong, a newa senotlelo sa sekoti.
Tswana Setswana 1970
Jaanong moengele wa botlhano a letsa; mme ka bona naledi e wetse mo lefatsheng, e tswa kwa legodimong; a ba a newa selotlele sa molete o o se nang bolekanngo.